0% found this document useful (0 votes)
2K views8 pages

BGCSE Setswana 3

setswana

Uploaded by

jramatlhakolane
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
0% found this document useful (0 votes)
2K views8 pages

BGCSE Setswana 3

setswana

Uploaded by

jramatlhakolane
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 8

1

LETLHAKANE CRACKIT TUITION


SETSWANA
MOCK EXAMINATION (2018)
FORM 5

Paper 3 2 hours 30 minutes

BALA DITAELO TSE DI LATELANG

KAROLO YA NTLHA
Araba potso e le nngwe mo karolong e
O gakololwa go tsaya metsotso e le masome a mane mo karolong e.

KAROLO YA BOBEDI
Araba potso e le nngwe mo karolong e
O gakololwa go tsaya oura le metsotso e le lesome mo karolong e.

KAROLO YA BORARO
Araba potso e le nngwe mo karolong e
O gakololwa go tsaya metsotso e le masome a mane mo karolong e.
2

O gakogelwa go tsaya metsotso e le masome a mane [40min]


Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo karolong e. Karabo ya gago e nne mafoko a
a fa gare ga 250 le 350.

1. ONE MATLAPENG: PHUDUHUDU GA E TLHATLHELWE


Tlhalosa ka botlalo se o se ithutileng mo pading e. [25]

KGOTSO

2. M.P BANABOTLHE: LETLAPA LE LE BOLELE


Tlhalosa ka botlalo ka fa motshameki Modiri a rotloeditseng ka teng ditiragalo tsa
motshameko. [25]

KGOTSA

3. P.T.M MAROPE: NGWANA O ANYA MMAAGWE A SULE


Maikutlo a mokwadi ke afe ka bana ba ba emelanang le dikgwetlho tsa botshelo.
[25]

KGOTSA

4. L.D RA DITLADI: MOTSWASELE 11


Supa ka botlalo ka fa paka le lefelo tsa motshameko o di rotloeditseng ka teng ditiro
le boitshwaro jwa batshameki. [25]

KGOTSA

5. A.R LETLOLE: LOMAPO LO TSEBENG (MODIRI O A LEBALA)


Ipee mo seemong sa ga Mma mosumo nako e a neng a atlholelwa go sotla
Lenkiteile, o bue se a neng a ka se bua o latedisa botshelo jwa gagwe go tswa kwa
tshimologong. [25]
3

KAROLO YA BOBEDI

O gakololwa go tsaya oura le metsotso e le lesome (1 hr 10 min) mo karolong e.


Bala palo e, o bo o araba potso e le NNGWE mo go tse pedi tse di e latelang. Dirisa
mafoko a ka nna 250 go ya go 350 mo karabong ya gagwe.

Dikeledi o ne a kile a nwela madibeng makgetho a le mmalwa mme a tswa a iphotlhere.


Moragonyana bomaitseanape ba mmolelela fa thari e jelwe ke dintsa, a batla a
gononoga. A nna le kgopolo ya gore badimo ba gaabo bam o soketse dirope. Ntona a
palelwa ke go itshokela seemo se, a mo hularela. Kana tshakala yone e ne e batla go
tswa e itiretse setshwano mo lefatsheng le le ka kwano. Go ne ga tsaya Dikeledi sebaka
go bona mokapelo wa sennela ruri. Ya re nako nngwe a tswa nokeng a kopana le
lekolwane la go tshaba monyo, la ipala mabala a kgaka mme ka pelo e na le bolotsana
ya ikela le mogwang borwa. Pelo tshwaana ya boela mannong. Kopano e ne e le
lepodisi la la pharakano.

E rile nako nngwe ba sena go tshotlha ya bone ya go tlhoka go tshola, ba leba ko


kokelong go ya go batla yo b aka mo ikgodisetsang. Kwa tshimologong ba ne ba
nganga ka bong jwa ngwana, ba tloga ba dumalana gore ba tlaa siamelwa ke
mosetsana. Ba itswela fela. Menahune ya ba naya motlhala go ya kwa go
mmaboipelego mabapi le leseanyana le le fitlhetsweng mo tankeng ya matlakala. A feta
a ba tata, a re le ene o batla go mo ikgodisetsa, ba wela tsela Dikeledi a apesitswe ke
bohutsana. A iphitlhela a setse a sunetsasunetsa. “Dikeledi moratiwa, o seka wa lela, ga
bo se gangwe”. Kopano a mo atamela mme a mo gogela mo sehubeng sa gagwe,
mosetsana a gaotsa. O ne a sa itire. Kana Kopano o ne a le diatla di bothitho. Se e ne e
le sengwe se mosetsana a di mo ratelang.

Go ne go foka pheswana e tlhabang fa bobedi bo photsha sepalangwa se se tswang


Kanye, gaufi le ofisi ya mapodisi mo Lobatse. Ba bona mosimanyana a ntse a sunetsa
lamina le letala. Ba mmotsa sengwe mme a kabakanya, a tloga a sup aka monwana
kwa moragonyana ga ofisi ya mapodisi. Ba kgaogana nae. Ba goroga fa ntlong nngwe
yam me yoo tlhokomelang bana ba e leng dikhutsana tsa maitirelo. Fa kgorong ya yone
go ne go kwadilwe ‘MMABANA’ ka ditlhaka tse dintshontsho. Monna mongwe a ba
supegetsa dikamore tse di kwa tengnyana. Teng ba fitlhela mosadi mongwe a kwadiwe
‘Mmabana’ mo sehubeng mme bam o tlhalosetsa mokgaphe wa bone. A ba etelela pele,
ba tsena phapose ka phapose ba sa bone se ba se batlang. Kgabagare fa ba setse ba
tlelwa ke boitlhobogo, mongwe a tla a tshotse lesea le lennye mo go one otlhe. Kopano
le Dikeledi ba lebana, ba emela fa bothokong, ba ngunanguna. Fa ba boa ka fa ba
rumaruma. ‘Mmabana a ba etelela pele go ya kwa phaposeng ya bofelo, ba setse ba
raya fela.
4

Dingwaga di le mmalwa morago ga go boa kwa ga ‘Mmabana’, Dikeledi o ne a ntse fa


ntle a bogetse bana ba sekolo ba ntse ba karaganya jaaka dinamanyane di kgotshe. Go
sa akabatse gonne le le tlhatlhamang ke la Malhatso, letsatsi la boitapoloso. Mosetsana
mongwe a itlhaola mo mmudubudung o, a tsena fa ga Dikeledi. Dikeledi a mo tsaya a
mmaya mo diropeng mme a mo atla phatla. A Dikeledi yoo lerato! Morago ga go ja
Gaone a bolelela mmaagwe gore go batliwa madi a moletlo wa kaloso ya bone kwa
sekolong. Mmaagwe a mo solofetsa go tla go a kopa ko go go rraagwe fa a tswa tirong.
A se ka a nna dikgang di thata Kopano fa a bolelelwa ka madi a a batlwiwang kwa
sekolong sa ngwana. Kante motho yo Kopano o bona madi ka bootsana.

Moso mongwe Kopano fa a phaphama mo boroong, o lemoga fa a nna thari kwa tirong.
A itshwara matlho a bo a tsena mo go tsa tiro. Morago ga go nwa mogodungwane a
eme ka dinao, a laela. Fa a tsena kwa ofising a bona monnamogolo mongwe a eme le
mogolwane wa gagwe. A kgaoga pelo a bo a tswa ban aba phefo. Mogolwane wa
mapodisi a mmitsa. A ya kwa go bone pelo e beletsa kwa godimo. “Kopano, Raditonki
ke yo, a re o latetse thekhethe ya go supa fa a lefetse moato wa koloi ya gagwe a
potsane”, ga bega mogolwane e bong Rre Seledu. Lefatshe la diologa ka Kopano, a
lemoga fa motseto o fapoga marago. Rre Seledu a lemoga kwa phefo e fokelang teng
mme a tshwanelwa ke go gata sentle gore a bipe leina la mmuso. A raya monnamogolo
a re a ba tlhole ka le le latelang. Kgang ya felela kwa go Ramapodisi yo o neng a sa
emise go thikhitha tllhogo. A tloga a raya Kopano a re, “Go riana o bereka le batho jaana?
Ke eng o tseela monnamogolo yole podi?” Kgang ya felela ka gore molao o diragadiwe,
ditshipi tsa lelela lepodisi. Mosadi a ya go begela ngwana. Bobedi jwa tlhabeletsa selelo
sa masetlapelo.

Kgang ya ga Kopano e ne e le thata le mmueledi wa gagwe a tloga a mo tlhaloseditse fa


mpuru a tla farelwa. E rile a ya tshekong ko Lobatse, Kopano a pegwa le lepodisi
Setlhora ka fa morago ga Mmadisefe. Kante Setlhora o ne a letse a itisitse thata kwa ga
Mmaletsatsi. A thulamela ba ise ba ye gope ntebo Kopano o ntse a mo kwaisitse. A bula
lebati ka bonako a itatlha. Mogoma a se ka a tlhoma ka maoto jaaka a ne a akantse. E
rile mokgweetsi a utlwa ruthu! a tadinya seipone, a bona gore ga e ntsha e kgologolo, a
e tshwara ka maremo. Mosepele wa fetoga, ba leba ko kokelong ya Athlone kwa
Lobatse. Maitseboeng ao, kef a Dikeledi le Gaone ba goroga kwa kokelong mme ba
fitlhela Kopano a gomilwe ka matsela a masweu mo tlhogong. Bosigong joo, lerubisi la
lala le mo sera, sa tloga sa amogelwa ke sekwakwalala. Dikeledi a utlwa moriri wa
gagwe o sosobana. A akabalela ditshikare tse di mo itayang go le kanakana tse.

E rile moso o o latelang ba tswa montlong ba re baya kokelong, ba rakana le Rapula


mme a kopa Dikeledi go boela mo ntlong. Ba tlhomaga boo – babedi. Go ise go ye kae
Dikeledi a thubega ka selelo sa mahutsana. Gaone a tsidifala mokolela. Fa a tsena mo
ntlong, a fitlhela Rapula a siela mmaagwe metsi. Rapula fa a tswa ka kgoro jaanong ga
utlwala dilelo tse pedi. Ba tlhola ba sulafaletswe ke dijo, go le selelo sa khuranyo ya
meno. Kana Kopano e ne e se fela bokamoso jwa bone, e ne e le mogomotsi, monna yo
5

ka nako tsotlhe a neng a tsaya molamu go leleka tlala mo lapeng. Maitseboa ke fa baagi
ba Kanye ba ntse ba tsena ka bongwe ka bongwe fa goora – Mawatle ba tlisisitse
kgomotso le dithapelo.

E ne e setse e le beke ya boraro dikeledi a ntse a tlhotlhoma le motse, a tsena mo


marekisetsong, mo madirelong le gongwe le gongwe fa a neng a solofela go bona tiro
gone mme a tswa ka ngobana e sa fotlhwa. Go le gantsi one a kgatlhantshiwa ke
mokwalo, ‘GA GO NA TIRO’. A fifale mogopolo. Letsatsi lengwe a wela kwa madirelong
mangwe. Ya re a kokota fa setswalong se kwadilwe ‘Mookamedi’, ga bula lekolwane la
dingwaga tse di magare. Lekolwane ya re le bona monyenyo le dipopego tsa ga Dikeledi,
la tsena mo pitlaganong. Fa a mmotsa ka ditlankana a fitlhela go sena phatlha epe e e
mo tshwanetseng. A lemoga gore fa a ka mo tlogela ga a na go tlhola a mmona gope.
Bojwang jwa pitse…Maano ga a site. A mmonela tiro ya go tlhola a baya dipampiri mo
kobotlong a bo a amogela dikwalo tse di tsenang le go rulaganya tse di tswang. Fela a
mo itsise gore mabogo dinku. Sipho a mo rebola go ya go ipaakanyetsa go simolola tiro
ka le le latelang. Dikeledi o dule foo pelo e le tshweu. Gaone a feta a nesetsa pula
mafoko a a monate.

Maitseboa mangwe go le Labotlhano Dikeledi a na le lobakanyana a ntse a tsogela kwa


tirong, a laela Gaone gore o na le mokgaphe wa botlhokwa phirimaneng eo. A mo kopa
go ya go lala kwa tsaleng ya gagwe. Go ise go ye kae a bona seboba se se tsabakelang
se ema fa ga bone. Dikeledi a tabogela ko koloing a apere kapari e e mo gagamatsang
thata. Dikeledi le Sipho ba ya go bogela kgaisano ya mmino wa setso. Sipho a bona
sebaka sa go ipala mabala a kgaka mme a seka a amogela kgang eo motlhofo ka ane a
tshaba go ipofa a ise a itse mekgwa ya ga Sipho. Kana banna ga ban a thawadi.
Moragonyana ba jela ka mogopo o mosweu le fa monate wa teng wa seka way a gope
kgakala.

Dikeledi ne a ipoleletse gore Sipho ke konyana kante ke tshetlha ya dipoa. Banna! O ba


tshabe. Dikeledi o ne a le moriti o tsididi ka maitlhamo a gore Sipho o tlaa tsenya
palamonwana kante o ba patagantse, ene le mongwe yo a neng a mo tlhomile lotlhokwa.
Sipho a tloga a mo itlhokomolosa ga bag a ya fela jalo. Dikeledi o ne a itlhoboga ka
banna, lone le fedile lorato lo lo kileng la peperetla jaaka sephikwe se phiketswe.

Motswedi: [E tserwe ka go fetolwa fale le fale mo bukeng ya Go tlogelwa Tsatsing, M. Tebogo]

DIPOTSO
5. Supa ka fa ditiragalo tsa botlhokwa tsa palo e di tsalanang ka teng.
[25]
6

KGOTSA

6. Supa ka fa ditiragalo di tlhatlologanang ka teng mo palong e, o itebagantse le se se di


gwetlhileng, marara a a nnileng teng, thararabololo ya one le phelelo ya ditiragalo.[25]

KAROLO YA BORARO

O gakologelwa go tsaya metsotso e le masome a mane (40 mins) mo karolong e.

Sekaseka leboko le le latelang mme morago o arabe potso e le NNGWE go tswa mo


go lone. O gakololwa go dirisa mafoko a ka nna 200 go ya go 300 mo karabong ya
gago.

LORATO
Pheretlha – pelo o sa feng boroko
O ka se itse a botlhoko a boitumelo
Molaodi wa metsamao molaodi wa maikutlo
E reng go fetsa a fetse a sa okaoke
Motho a sale a ora molelo a otobetse
A ore molelo go se mariga a sa sitwe
Botlhoko jwa ntho e matsotswe logogo

Go ithutweng gag ago o kopanya berese


O gagole ngwana e se letsela
A tlole a bo a kgaole ditereta
Sekgee o se rekise bonolo le thebe a sa tswe
Batsadi ba ngamoge ditshika ba tswe bogaatsane
7

Ba felele ba go rolela ditlhoro wena lorato boithatelo


O tseneletse o gagautlha o loma o sa fodise
O gagautlha wena pheretlha o sekeng o ikhutsa
O farologanya batsadi le bana

O ka kopanya wa aga wa bo wa thuba


Wa thuba ka go nyelela
Go sa lemogwe o ne o konkometsa
Botlhoko jwa teng wena ga o bo utlwe
Mong a bonwe ka go thathologa jaaka tlhale morutsheng
A thathologe ka a bo itse bo sa utlwele
Ka wena ga o itie ka dibaka
O poo o dira se go lebaneng ka se bothokwa
O padile go itsewe o sebopego mang
O paletse Baitshepi maitsetsepelong
Fa o tsena botennye pelong
Maikutlo a setho a a gogomoga
Motho a ntshe ka ‘kgapha sa molomo’
Ka o ka swa a sa lwala
A phatloge jaaka santlhoko

Motswedi:[Le tserwe ka go fetolwa fale le fale mo bukeng ya


Kgonkgonyane Rekhu jwa Mookane ya ga P. B Makhiwa]

DIPOTSO
7. Tlhaosa maikuto a mmoki a bokang a le mo go one, o supe ditsela tse a di dirisitseng
go senola maikutlo a gagwe. Nonotsha karabo ya gago ka dikinolo tse di lebaneng.
[15]

KGOTSA
8. Tlhalosa se mmoki a buang ka sone mo lebokong le. Nonotsha karabo ya gago ka
8

dikinolo tse di lebaneng.


[15]

You might also like

pFad - Phonifier reborn

Pfad - The Proxy pFad of © 2024 Garber Painting. All rights reserved.

Note: This service is not intended for secure transactions such as banking, social media, email, or purchasing. Use at your own risk. We assume no liability whatsoever for broken pages.


Alternative Proxies:

Alternative Proxy

pFad Proxy

pFad v3 Proxy

pFad v4 Proxy